Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A O TLHAMILWE?

Moriri wa Tshoswane ya Kwa Sekakeng sa Sahara

Moriri wa Tshoswane ya Kwa Sekakeng sa Sahara

TSHOSWANE ya mmala wa selefera ya kwa Sekakeng sa Sahara (Cataglyphis bombycina) ke tshenekegi e e kgonang go itshokela mogote. Ka ura ya sethoboloko fa letsatsi la kwa Sahara le le mogote le dira gore diphologolo tse di jang tshoswane eno di tshabele mo moriting, tshoswane eno yone e tswa mo mosimeng go ya go batla dijo, tse dingwe tsa tsone e leng ditshenekegi tse di bolailweng ke mogote o o ntshang tlhapi mo metsing.

[50] μm

Akanya ka seno: Tshoswane eno e na le tsela e e thibelang mogote ka yone gore e se ka ya sha. E na le moriri o o kgethegileng mo mokwatleng le mo matlhakoreng mme ga e na moriri ka fa tlase. Moriri o o dirang gore tshoswane e nne le mmala o o phatsimang wa selefera, ke ditšhupu tse dinnye tse di mo setshwantsho. Ditšhupu tse di fa godimo di kgotlhagane e bile di dileele jaaka moriri mme tse di ka fa tlase ga tsone di borethe. Seno se e thusa ka ditsela tse pedi. Ya ntlha, se dira gore e se ka ya utlwalelwa ke marang a letsatsi. Ya bobedi, se e thusa go ntsha mogote o o tseneng mo mmeleng fa e ne e le kwantle ga mosima. Karolo e e ka fa tlase e e senang moriri yone e dira gore tshoswane eno e se ka ya fisiwa ke marang a letsatsi a a tswang mo motlhabeng wa sekaka. *

[10] μm

Moriri wa tshoswane eno o e thusa gore themperetšha ya mmele wa yone e se ka ya ya kwa godimo thata le gore e kgone go itshokela mogote wa di dikirii di le 53,6. Babatlisisi ba leka go etsa setshedi seno se sennye ka go dira metšhini e e kgonang go fokotsa mogote kwantle ga go dirisa difene kgotsa didirisiwa tse dingwe.

O akanyang? A moriri wa tshoswane ya kwa Sahara o itlhagetse fela? Kgotsa a o tlhamilwe?

^ ser. 4 Gape tshoswane eno e thusiwa ke diporoteine tse di mo mmeleng wa yone tse di kgonang go itshokela mogote o o maatla, maoto a yone a maleele a a dirang gore e kgone go tsamaya ka bonako mo motlhabeng wa sekaka le bokgoni jwa yone jo bo gakgamatsang jwa go dirisa tsela e e khutshwane go boela kwa mosimeng wa yone.