Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa O na Le Nna

Jehofa O na Le Nna

Itseele:

  1. 1. Fa ’tsatsi le tlhaba, ne ka’ipaakanya.

    Ka bua le Jehofa mme ka tsamaya.

    Le fa thibetswe go ya go rera,

    Ke ikobela Mmopi wa me.

    (KHORASE)

    Ke a itumela e bile ke na le kagiso.

    Gonne Jehofa’o na le nna, ga ke boife.

    Gonne Jehofa’o na le nna, ga ke boife.

  2. 2. Maitseboa fa ke le kwa gae,

    Ke’akantse ka monna yo’o kgatlhegang.

    Ke rapel’la gore ke mmone gape.

    Fa a ka’itse nnete, a ka fetoga.

    (KHORASE)

    Ke a itumela e bile ke na le kagiso.

    Gonne Jehofa’o na le nna, ga ke boife.

    Gonne Jehofa’o na le nna, ga ke boife

    (BRIDGE)

    Nka se kgone go nna ke sa rere.

    Ke tla tswelela ke sa kgaotse,

    Ke itsise leina la ga Jah.

    Ke tla dira jalo go ya bokhutlong.

    Ke na le dikao tsa bakaulengwe,

    Ke tla nonotsha tumelo’a me.

    Ke tla baka Jah ka metlha yotlhe,

    Gonne kgololo e’atametse.

  3. 3. Ka ’nako tsotlhe fa ke robala,

    Ga ke lebale go leboga Jah.

    Tsa kamoso tsone, ga ke di’itse.

    Mme ke itse gore ga ke nosi.

    (KHORASE)

    Ke a itumela e bile ke na le kagiso.

    Gonne Jehofa’o na le nna, ga ke boife.

    Gonne Jehofa’o na le nna, ga ke boife.