Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Dira Diphetogo

Ke Dira Diphetogo
  1. 1. Ke lemoga gore​—

    Bosheng jaana

    Bodiredi jwa me

    Ke go’ikgolola fela.

    Jaanong e setse e le seomodiro.

    Ke tlhoka go dira ’phetogo​—

    Ke lese go’iketla.

    (KHORASE)

    Kei’kemiseditse go tokafatsa

    Tirelo ya me mo go Jehofa.

    Go tloga jaanong Jehofa Mmopi,

    Ke tla go direla ka pelo yotlhe.

  2. 2. Ke tlhoka tumelo,

    Le boitshoko

    Gore ke atlege

    Go dira diphetogo.

    Go a lapolosa go dira jalo.

    Ditshono di ntse di bulega

    Ke sa di ele tlhoko.

    (KHORASE)

    Kei’kemiseditse go ipelela

    Tirelo ya me moso le moso.

    Go tloga jaanong Jehofa Mmopi,

    Ke tla go direla ka pelo yotlhe.

    (BRIDGE)

    Mme jaanong ke lemoga

    Gore ke ne ke’inyatsa.

    Ke ne ke akanya gore,

    Nka se kgone.

    Mme go tsaya kgato

    Go ntliseditse masego.

    Mme Jah Modimo

    O tla nna a ntshegofatsa.

    (KHORASE)

    Ke lebile pele go simolola

    Ditsela tse disha tsa go rera.

    Go tloga jaanong Jehofa Mmopi,

    Ke tlile go direla ka pelo yotlhe.

    (KHORASE)

    Kei’kemiseditse go tokafatsa

    Tirelo ya me mo go Jehofa.

    Go tloga jaanong Jehofa Mmopi,

    Ke tla go direla.

    (KHORASE)

    Kei’kemiseditse go ipelela

    Tirelo ya me moso le moso.

    Go tloga jaanong Jehofa Mmopi,

    Ke tla go direla ka pelo yotlhe​—

    Ka pelo yotlhe.