Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lebogela Popo ya Modimo

Go Lebogela Popo ya Modimo
  1. 1. ’Thaba le dithota tse di dintle jang,

    Tsotlhe di apere kobo ya mebala.

    Di’ipelela marang a letsatsi,

    Nonyane tsone di’a opela.

    (KHORASE)

    Ke tla dirang

    Ka bontle jono?

    Tota ke tla reng

    Go leboga Mmopi?

    Ke tla mo leboga

    Rre Jehofa Mmopi

    Ka pelo’otlhe

    Ka lorato lwa gwe

    Go rapela

    Go’ipha nako ya go tlhatlhanya ka tsotlhe,

    Ka metlha go nthusa go mmaka;

    Ke tla mo leboga.

    Ke mo leboga.

  2. 2. Ditshedi tsotlhe tse di mo mawatleng,

    Di re lemotsha gore Jehofa o maatla

    Bona bontle fa letsatsi le phirima;

    Fa kobo e ntsho e bipa loapi​—

    (KHORASE)

    Ke tla dirang

    Ka bontle jono?

    Tota ke tla dirang

    Go leboga Mmopi?

    Ke tla mo leboga,

    Rre Jehofa Mmopi

    Ka pelo’otlhe

    Ka lorato lwa ‘gwe.

    Go rapela,

    Go’ipha nako ya go tlhatlhanya ka tsotlhe

    Ka metlha go nthusa go mmaka.

    Ke tla go leboga.

    (BRIDGE)

    Ruri o Mothatayotlhe.

    Mmopi yo o re ratang

    Gape’o botlhale;

    Ke’a mo leboga;

    Ke tla mo leboga.

    (KHORASE)

    Ke tla mo leboga,

    Rre Jehofa Mmopi

    Ka pelo’otlhe

    Ka lorato lwa ’gwe.

    Go rapela,

    Go’ipha nako ya go tlhatlhanya ka tsotlhe.

    Ka metlha go nthusa go mmaka.

    Ke tla mo leboga.

    Ke tla mo leboga.

    Re tla mo leboga.