Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Bomang ba ba Yang Kwa Legodimong?

Ke Bomang ba ba Yang Kwa Legodimong?

Karabo ya Baebele

Modimo o tlhophile palo e se kae ya batho ba ba ikanyegang gore fa ba swa ba ye go tshela kwa legodimong. (1 Petere 1:3, 4) Batho bao ba tshwanetse go tswelela ba na le tumelo e e nonofileng e bile ba itshwere sentle gore ba kgone go ya go tshela kwa legodimong.—Baefeso 5:5; Bafilipi 3:12-14.

Batho bao ba ya go dirang kwa legodimong?

Ba tla busa le Jesu e le dikgosi le baperesiti ka dingwaga di le 1 000. (Tshenolo 5:9, 10; 20:6) Ba tla nna karolo ya “magodimo a masha” kgotsa puso ya kwa legodimong e e tla busang “lefatshe le lesha” kgotsa batho ba mo lefatsheng. Babusi bao ba tla thusa go dira gore batho ba boe ba nne mo seemong se Modimo a neng a batla gore ba nne mo go sone kwa tshimologong.—Isaia 65:17; 2 Petere 3:13.

Ke batho ba ba kae ba ba tsosiwang go ya kwa legodimong?

Baebele ya re batho ba le 144 000 ba tla tsosiwa gore ba ye go tshela kwa legodimong. (Tshenolo 7:4) Go ya ka Tshenolo 14:​1-3, moaposetoloi Johane o ne a bona “Kwana e eme mo Thabeng ya Siona, mme a na le ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè [144 000].” “Kwana” e emela Jesu yo o tsositsweng mo baswing. (Johane 1:29; 1 Petere 1:19) ‘Thaba ya Siona’ e emela maemo a a tlotlegang a Jesu le ba ba 144 000 ba a neilweng ke Modimo.—Pesalema 2:6; Bahebera 12:22.

Batho “ba ba biditsweng e bile ba tlhophilwe” ba ba tla busang le Jesu mo Bogosing ba bidiwa “letsomanyane.” (Tshenolo 17:14; Luke 12:32) Seno se bontsha gore palo ya bone e nnye tota fa e bapisiwa le ya dinku tsotlhe tsa ga Jesu.—Johane 10:16.

Dikgopolo tse di seng boammaaruri ka ba ba yang legodimong?

Kgopolo e e phoso: Batho botlhe ba ba siameng ba ya legodimong.

Boammaaruri: Modimo o solofetsa batho ba ba siameng gore o tla ba naya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.Pesalema 37:11, 29, 34.

  • Jesu o ne a re: “Ga go na motho ope yo o tlhatlogetseng kwa legodimong.” (Johane 3:13) Seno se bontsha gore batho ba ba siameng ba ba suleng pele Jesu a tla mo lefatsheng ba ba jaaka Aborahame, Moshe, Jobe le Dafide, ga ba ya legodimong. (Ditiro 2:29, 34) Go na le moo, ba solofetse go tsosiwa go tla go tshela mo lefatsheng.—Jobe 14:13-15.

  • Tsogo ya go ya go tshela kwa legodimong e bidiwa ‘tsogo ya ntlha.’ (Tshenolo 20:6) Seno se bontsha gore go tla nna le tsogo e nngwe gape e e tla diregang mo lefatsheng.

  • Baebele ya re fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, “loso lo tla bo lo seyo.” (Tshenolo 21:3, 4) Seno se tla direga mo lefatsheng ka gonne ga go ise go nne le loso kwa legodimong.

Kgopolo e e phoso: Motho ke ene a itlhophelang gore a o batla go tshela mo lefatsheng kana kwa legodimong.

Boammaaruri: Modimo ke ene a dirang tshwetso ya gore ke Mokeresete ofe yo o tla newang “tuelo ya pitso ya kwa godimo” kgotsa go ya go tshela kwa legodimong. (Bafilipi 3:14) Ga go a ikaega ka gore a motho o batla go ya go tshela kwa legodimong kana jang.—Mathaio 20:20-23.

Kgopolo e e phoso: Tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng e newa batho ba ba sa tshwanelegeng go ya go tshela kwa legodimong.

Boammaaruri: Modimo o bitsa batho ba ba tlileng go tshela mo lefatsheng le lesha a re ke “batho ba me,” “batho ba me ba ba tlhophilweng” le “basegofadiwa ba ga Jehofa.” (Isaia 65:21-23) Ba tla nna le tlotla ya go diragatsa boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong jwa gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise.—Genesise 1:28; Pesalema 115:16; Isaia 45:18.

Kgopolo e e phoso: Palo ya 144 000 e e mo go Tshenolo ga se ya mmatota, e emela sengwe.

Boammaaruri: Le fa dipalo dingwe tse di mo bukeng ya Tshenolo di emela sengwe, go na le tse dingwe tse e leng tsa mmatota. Ka sekai, Tshenolo e bua ka “maina a le lesome le bobedi a baaposetoloi ba le lesome le bobedi ba ga Kwana.” (Tshenolo 21:14) Ela tlhoko bosupi jo bo bontshang lebaka la go bo palo ya 144 000 e le ya mmatota.

Tshenolo 7:4 e bua ka “palo ya ba ba neng ba tshwailwe [kgotsa ba ba yang go tshela kwa legodimong],” ya re ke “dikete di le lekgolo masome a manè le bonè [144 000].” Ditemana tse di latelang morago ga yone di bua ka setlhopha sa bobedi mme di a re ke “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala.” Gape Modimo o tla boloka batho ba “boidiidi jo bogolo.” (Tshenolo 7:9, 10) Fa e le gore palo ya 144 000 ga se ya mmatota, go tla bo go raya gore ga go na pharologanyo magareng ga ditlhopha tseno tse pedi. *

Mo godimo ga moo, Baebele ya re batho bano ba palo ya bone e leng 144 000 “ba rekwa mo bathong e le mabutswapele.” (Tshenolo 14:4) Lefoko le le reng “mabutswapele” le kaya gore ke palo e nnye thata. Batho bano ba tshwanelegela go busa le Keresete kwa legodimong ba busa batho ba bantsintsi ba ba tla bong ba le mo lefatsheng.—Tshenolo 5:10.

^ ser. 16 Porofesa Robert L. Thomas o ne a kwala jaana fa a bua ka palo ya 144 000 e e umakilweng mo go Tshenolo 7:4: “Palo eno ke ya mmatota ka gonne e farologana le e go buiwang ka yone mo go [Tshenolo] 7:9. Fa e le gore ga se ya mmatota, go raya gore dipalo tsotlhe tse di mo bukeng eno ga se tsa mmatota.”​—Tshenolo 1-7: An Exegetical Commentary, tsebe 474.