Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO THUSA LELAPA | BASHA

Go Lebana le Diphetogo

Go Lebana le Diphetogo

KGWETLHO

  • Tiro ya ga rraago e tlhoka gore lelapa la lona le fuduge.

  • Tsala ya gago e fudugela kgakala.

  • Mogoloo o tswa mo lelapeng ka gonne o a nyalwa.

O tla lebana jang le diphetogo tseno?

Setlhare se se obegelang gongwe le gongwe kwa phefo e yang gone, se kgona go emelana le setsuatsue. Fela jaaka setlhare seo, le wena o ka ithuta go fetofetoga le maemo a o sa kgoneng go a fetola. Mme gone, pele re sekaseka kafa o ka dirang seo ka gone, ela tlhoko dilo di le mmalwa tse o tshwanetseng go di itse ka diphetogo.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

O ka se thibele diphetogo. Baebele e bua boammaaruri jo bo se nang bana ba phefo fa e re: “Botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Nako nngwe mo botshelong o tla lebana le maemo a a bontshang gore mafoko ao a boammaaruri. Gone ke boammaaruri gore ga se gore ditiragalo tsotlhe tse re sa di lebelelang di bosula. Mme diphetogo dingwe tse kwa tshimologong di neng di lebega di le bosula, di ka nna tsa re solegela molemo. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba rata go dira selo se se tshwanang letsatsi le letsatsi mme fa go nna le diphetogo—di ka tswa di siame kgotsa di sa siama—di ba tlhakatlhakanyetsa botshelo.

Diphetogo di ka baka kgatelelo ya maikutlo, segolobogolo mo baneng. Ka ntlha yang? Lekawana lengwe le le bidiwang Alex * la re: “O setse o ngomolwa pelo ke diphetogo tse di diregang mo mmeleng wa gago, jaanong diphetogo tse dingwe tse di tlang di go ngomola pelo le go feta.”

Lebaka le lengwe ke leno: Fa batho ba ba godileng ba lebana le diphetogo, ba ka akanya ka se se ileng sa ba diragalela mo nakong e e fetileng go bona gore ba ile ba lebana jang le boemo joo. Mme basha bone ga ba na maitemogelo a a kalo a botshelo.

Ithute go tlwaela. Motho yo o fetofetogang le maemo o kgona go boa a siama gape fa a diragaletswe ke sengwe se se bosula kgotsa fa maemo a gagwe a botshelo a fetogile. Ga a kgone fela go tlwaela maemo a masha mme gape ga a letle maemo ao gore a emise botshelo jwa gagwe. Basha ba ba fetofetogang le maemo ga ba ineele motlhofo go dirisa diokobatsi kgotsa bojalwa fa ba gateletswe mo maikutlong.

SE O KA SE DIRANG

Amogela maemo. Ga go pelaelo gore o lebeletse gore sengwe le sengwe se tsamaye jaaka o batla mo botshelong jwa gago mme ga go kgonege. Ditsala tsa gago di tla fuduga kgotsa di tla nyalwa; bana ba gaeno ba tla gola ba bo ba tswa mo gae; maemo a ka pateletsa lelapa la gaeno go fuduga, a dira gore o tlogele ditsala tsa gago mme o ye go simolola botshelo sesha. Go botoka go amogela maemo jaaka a ntse go na le go nnela go akanya ka dilo tse di sa tsamayeng sentle.—Molaomotheo wa Baebele: Moreri 7:10.

Tlhoma mogopolo mo isagweng. Go tlhoma mogopolo mo dilong tse di fetileng go tshwana le go kgweetsa mo tseleng e e nang le pharakano mme o lebile seipone se se go bontshang kwa morago. Ga go phoso go nna o okomela seipone go bona se se diregang kwa morago mme gone o tshwanetse go tlhoma mogopolo mo tseleng. Go ntse fela jalo le fa o lebana le diphetogo. Leka go tlhoma mogopolo kwa pele. (Diane 4:25) Ka sekai, ke mokgele ofe o o ka ipeelang one mo kgweding e le nngwe kgotsa tse thataro tse di latelang?

Tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Laura la re: “Go fetofetoga le maemo go amana le tsela e motho a lebang dilo ka yone. Batla dilo tse di molemo mo boemong jo o lebaneng le jone.” A go na le sengwe se se itumedisang ka maemo a masha a o leng mo go one?—Molaomotheo wa Baebele: Moreri 6:9.

Mosetsana mongwe yo o bidiwang Victoria a re fa a ne a le mo dingwageng tsa bolesome, ditsala tsa gagwe tsotlhe di ne tsa fuduga. A re: “Ke ne ke jewa ke bodutu e bile ke eletsa gore dilo di ka bo di sa fetoga. Mme fa ke leba kwa morago, ke lemoga gore ke gone ke neng ka simolola go gola mo tlhaloganyong. Ke ile ka lemoga gore fa motho a gola o tlhoka go lebana le diphetogo mo botshelong. Gape ke ne ka lemoga gore mo ke nnang gone, go na le batho ba bangwe ba nka itsalanyang le bone.”—Molaomotheo wa Baebele: Diane 27:10.

Go tlhoma mogopolo mo dilong tse di fetileng go tshwana le go kgweetsa mo tseleng e e nang le pharakano mme o lebile seipone se se go bontshang kwa morago

Thusa ba bangwe. Baebele ya re: “Lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.” (Bafilipi 2:4) Selo se se ka go thusang go lebana le dikgwetlho tsa gago ke go thusa ba bangwe ka tsa bone. Anna wa dingwaga di le 17 a re: “Fa ke ntse ke gola, ke ile ka lemoga gore go thusa motho yo o mo boemong jo bo tshwanang le jo ke leng mo go jone—kgotsa jo bo maswe le go feta—go ne go ntsholegela molemo!”

^ ser. 11 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.