Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE YA RENG?

Ditebego Tse Dintle

Ditebego Tse Dintle

Tsela e motho a ikutlwang ka yone ka ditebego e ka nna ya dira gore a itumele kgotsa a se ka a itumela.

Goreng re rata dilo tse dintle?

Le fa gone e sa ntse e le masaitsiweng, boboko jwa motho bo kgona go bona dilo tse dintle. Baebele ga e tlhalose gore seno se direga jang mme gone e senola lebaka la go bo re rata dilo tse dintle: Re bopilwe mo setshwanong sa Modimo. (Genesise 1:27; Moreri 3:11) Gape Modimo o bopile mmele wa motho ka tsela e e raraaneng thata, a dira gore o lebege le go dira ka tsela e e gakgamatsang. Mokwadi wa bogologolo wa dipina o ne a kwala jaana: “Ke tla go baka [Modimo] ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang.”—Pesalema 139:14.

Le fa go ntse jalo, gompieno dikhampani tsa feshene le metswedi e e tumileng ya tshedimosetso e dira gore batho ba lebe bontle ka ditsela tse di farologaneng. Go ya ka buka ya Body Image, dipatlisiso tse di ileng tsa dirwa kwa dinageng tsa kwa Bophirima di senola gore “batho ba le bantsi ba tsaya ditebego di le botlhokwa thata go gaisa se motho a leng sone.” Le fa go ntse jalo, seno se dira gore ba itlhokomolose ntlha ya botlhokwa thata—se tota motho a leng sone.—1 Samuele 16:7.

Ditso di le dintsi di tlhoma mogopolo mo tseleng e mmele wa motho o bopegileng ka yone

Mo godimo ga moo, ba tlhoma mogopolo thata mo tseleng e mmele wa motho o bopegileng ka yone, segolobogolo mmele wa basadi. Pego ya 2007 ya American Psychological Association (APA) ya re “metswedi yotlhe ya tshedimosetso e ba ileng ba e sekaseka e ntsha bosupi jo bontsi jwa gore basadi ba dirisiwa fela ka ntlha ya tsela e ba lebegang ka yone.” Go na le mabaka a a utlwalang a go bo Baebele e re kgothaletsa go tila mokgwa oo wa go akanya!—Bakolosa 3:5, 6.

“A mokgabo wa lona e se ka ya nna wa . . .  kafa ntle mme a e nne motho wa sephiri wa pelo yo o apereng diaparo tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng le o o bonolo, tse e leng tsa botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo.”1 Petere 3:3, 4.

Goreng go le botlhokwa go nna tekatekano?

Batho bangwe ba re: “Fa o le montle, o se ka wa bo fitlha!” Pego ya APA ya re mo ditsong tse kgopolo eo e tlwaelegileng mo go tsone, bana ba bannye ba basetsana ba itsaya e le “didirisiwa tsa go kgotsofatsa dikeletso tsa batho ba bangwe . . . , le go tlhomiwa matlho ka ntlha ya ditebego tsa bone.” Kgopolo eo e ka nna kotsi thata. Tota e bile, go ya ka APA, e ka baka mathata a magolo a botsogo e bile e ka ama tsela e batho ba dirisanang ka yone mme seo sa dira gore motho a nne le “mathata a maikutlo.” Seno se ka akaretsa go tlhobaela le “go itlhoa . . . , go sa je sentle, go sa itshepe le go gatelelwa mo maikutlong.”

“Tlosa matshwenyego mo pelong ya gago, o bo o thibose masetlapelo mo nameng ya gago; gonne bosha le botlhaga jwa botshelo ke lefela.”Moreri 11:10.

Ke eng se se bontshang gore motho o leba dilo sentle?

Baebele e amanya “go itekanela sentle ga mogopolo” le go leba dilo sentle. (1 Timotheo 2:9) Ela tlhoko: Batho ba ba lebang dilo sentle ga ba ikakanyetse ba le bosi e bile ga ba tshwenyege thata ka ditebego tsa bone go na le moo ba iteba ka tsela e e siameng. Gape ba akanyetsa maikutlo a ba bangwe mme seo se dira gore batho ba ba rate, ba ba tlotle e bile sa botlhokwa le go feta, ba amogelwa ke Modimo. (Mika 6:8) Mo godimo ga moo, ba kgona go nna le ditsala tsa mmatota le go bona balekane ba lenyalo ba ba siameng ba ba sa kgatlhegeleng fela ditebego tsa motho mme gape ba ba akanyetsang go nna le lenyalo le le itumetseng le le le nnelang ruri.

Ke ka moo Baebele e re kgothaletsang gore re tlhome mogopolo mo ‘mothong wa sephiri wa pelo.’ (1 Petere 3:3, 4) Le fa ditebego di ka fetoga, motho wa ka fa teng ene ga a fetoge. Tota e bile, fa nako e ntse e ya, motho yoo wa ka fa teng, o a tokafala! Diane 16:31 ya re: “Botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo.” Le fa re ka tswa re godile kgotsa re le bannye, fa re latela kgakololo ya Baebele ga re kitla re nna le bontle jo bo nnelang ruri fela gape re tla nna le seriti e bile re tla itumela.

“Bontle jo bo gogelang bo ka tsietsa, le bontle e ka nna lefela; mme mosadi yo o boifang Jehofa ke ene yo o ikamogelelang pako.”Diane 31:30.