Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Go Itirela Thulaganyo e e Molemo

Go Itirela Thulaganyo e e Molemo
  • AUSTIN o sa ntse a otsela le fa alamo e e mo tsosang e sena go didimala. Mme ka bonako fela o tsapoga mo bolaong, o apara diaparo tse a di ntshitseng pele ga a robala a bo a ya go taboga. Mo ngwageng o o fetileng, o ne a tle a dire jalo gararo mo bekeng.

  • Laurie o fetsa go ngangisana le monna wa gagwe. O ya kwa phaposing ya boapeelo a galefile e bile a betilwe ke pelo, a bo a ntsha dimonamone a di ja tsotlhe. Go lebega a dira jalo ka metlha fa a galefile.

Ke eng se Austin le Laurie ba tshwanang ka sone? Ba ka tswa ba lemoga kgotsa ba sa lemoge, boobabedi ba tlhotlhelediwa ke sengwe se se maatla—go tlwaela.

Go tweng ka wena? A o batla go nna le mekgwa mengwe e e siameng? Gongwe o ipeetse mokgele wa go ikatisa ka metlha, go robala mo go oketsegileng kgotsa go nna o ikgolaganya le batho ba o ba ratang.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, gongwe o batla go tlogela mekgwa e e sa siamang e e jaaka go goga motsoko, go ja dijo tse di se nang dikotla kgotsa go fetsa nako e ntsi mo Internet.

Boammaaruri ke gore, go thata go tlogela mekgwa e e sa siamang. Tota e bile, mekgwa e e sa siamang e tshwana le go tsena mo dikobong tse di bothitho fa go le tsididi: go motlhofo go tsena mme go thata go tswa!

Ka jalo, o ka dira jang gore mekgwa e o tshelang ka yone e go solegele molemo go na le go nna kotsi mo go wena? Ela tlhoko dikakantsho tse tharo tse di theilweng mo melaometheong ya Baebele.