Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | GO ITIRELA THULAGANYO E E MOLEMO

2 Itirele Dilo Motlhofo

2 Itirele Dilo Motlhofo
  • O ipoleletse gore o tla ja dijo tse di siameng mme fa o bona aesekerimi o a e galela.

  • O sweditse go tlogela motsoko mme gangwe le gape tsala ya gago—e e itseng gore o leka go o tlogela—e go naya motsoko.

  • O rulagantse go ikatisa gompieno mme go lebega go le thata go batla ditlhako tsa go taboga!

A o kgona go bona kafa maemo ano a tshwanang ka gone? Go lemogilwe gore dilo tse di re dikologileng—maemo a re ipayang mo go one le batho ba re fetsang nako le bone—di na le seabe mo go direng gore re nne le mekgwa e e siameng le gore re tlogele e e sa siamang.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.”Diane 22:3.

Baebele e re kgothaletsa gore re akanyetse kwa pele. Fa re dira jalo, re tla nna kelotlhoko go tila dilo tse di ka dirang gore go nne thata go fitlhelela mekgele ya rona e bile re tla ipaya mo maemong a a siameng. (2 Timotheo 2:22) Ka jalo, go molemo go itirela dilo motlhofo.

Dira gore go nne thata go dira se se sa siamang mme go nne motlhofo go dira se se siameng

SE O KA SE DIRANG

  • Dira gore go nne thata go dira se se sa siamang. Ka sekai, fa e le gore o batla go emisa go ja dijo tse di se nang dikotla, o se ka wa di reka. Seo se tla go thusa gore fa o raelesega go di ja, di bo di seyo.

  • Dira gore go nne motlhofo go dira se se siameng. Ka sekai, fa o batla go ikatisa mo mosong, baya diaparo tsa go ikatisa gaufi le bolao jwa gago pele o robala. Fa go le motlhofo go simolola, go tla nna motlhofo go tlwaela.

  • Tlhopha ditsala ka botlhale. Go motlhofo go tshwana le batho ba re fetsang nako le bone. (1 Bakorintha 15:33) Ka jalo, o se ka wa itsalanya le batho ba ba dirang gore go nne thata go tlogela mekgwa e e sa siamang go na le moo, batla ditsala tse di ka go thusang go nna le mekgwa e e siameng.