Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Go Itseela Dibaebele—Android

Go Itseela Dibaebele—Android

Go bala le go ithuta Baebele ke selo sa konokono mo JW Library.

Latela ditaelo tseno gore o itseele Dibaebele le go di rulaganya:

 Itseele Baebele

O ka itseela dithanolo tsa Baebele gore o di bale le go di ithuta le fa o sa tsena mo Internet.

  • Bula lenaane la diteng o bo o tobetsa Bible go bona dibukana tsa Baebele.

  • Tobetsa konopo ya dipuo go bona lenaane la Dibaebele tsotlhe tse di leng teng. O tla bona dithanolo tsa dipuo tse o di dirisang thata di le kwa godimo mo lenaaneng leno. Gape o kgona go senka mo lenaaneng leno ka go kwala leina la puo kgotsa la Baebele. Ka sekai, kwala “int” fa o batla Kingdom Interlinear ya Seesemane kgotsa “port” fa o batla Dibaebele tsotlhe tsa Sepotokisi.

  • O tla bona leru fa thoko ga Dibaebele tse o iseng o di itseele. Tobetsa Baebele fa o batla go e itseela. Fa o sena go itseela Baebele, lerunyana leo le a nyelela. Tobetsa Baebele eo gape fa o batla go e bala.

Fa o sa bone thanolo ya Baebele e o e batlang, tsweetswee leka gape mo nakong e e tlang. Dithanolo tse dingwe di tla tsenngwa fa nako e ntse e ya.

 Sutlha Baebele

O ka kgona go ntsha thanolo ya Baebele e o sa tlholeng o e tlhoka kgotsa fa e le gore sedirisiwa sa gago se tletse.

Bula lenaane la diteng o bo o tobetsa Bible, o bo o tobetsa konopo ya dipuo go bula lenaane la Dibaebele. Tobetsa konopo e e fa thoko ga Baebele e o batlang go e ntsha, o bo o tobetsa Delete.

 Tlhabolola Baebele

Go ka direga gore nako le nako Baebele e o e itseetseng e tlhabololwe.

O tla bona gore Baebele e tlhabolotswe fa e na le setshwantsho sa sediko. Fa o e tobetsa, o tla bona molaetsa wa gore e tlhoka go tlhabololwa. Tobetsa Download go e tlhabolola, kgotsa tobetsa Later go tswelela o dirisa e o setseng o na le yone e e sa tlhabololwang.

Dintlha tseno di tsentswe ka February 2015 fa go ne go gololwa JW Library 1.4, e e dirang mo didirisiweng tsa Android 2.3 kgotsa e e tlileng morago ga yone. Fa o sa bone dintlha tseno, tsweetswee latela ditaelo tse di tlhagelelang mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library​—Android,” mo setlhogwaneng se se reng Bona Tsa Bosheng.