Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Go Senka mo Baebeleng Kgotsa mo Kgatisong—Android

Go Senka mo Baebeleng Kgotsa mo Kgatisong—Android

Konopo ya senka mo JW Library e go letla go senka lefoko kgotsa polelwana mo kgatisong kgotsa mo Baebeleng.

Latela ditaelo tseno fa o batla go senka sengwe:

 Senka mo Baebeleng

O ka senka lefoko kgotsa polelwana mo Baebeleng e o e balang.

Fa o ntse o bala Baebele, tobetsa konopo ya senka; o bo o kwala lefoko le o le batlang. Fa o simolola go kwala go tla tlhaga dikakantsho tsa se o se batlang. Tobetsa kakantsho nngwe kgotsa tobetsa konopo ya Enter go bona gore se o se senkileng se tlhagelela fa kae.

Karolo ya Top Verses e tlhagisa ditemana tse di dirisiwang thata tse di tsamaisanang le se o se senkileng. Karolo ya All Verses e bontsha ditemana tsotlhe tse lefoko leo le tlhagelelang mo go tsone go tloga mo go Genesise go fitlha ka Tshenolo. Karolo ya Articles e tlhagisa ditlhogo tse di mo Baebeleng tse lefoko leo le tlhagelelang mo go tsone.

Fa o dirisitse mafoko a le mmalwa go senka sengwe, tobetsa lebokose la Match Exact Phrase go dira gore mafoko a o a senkileng a tlhagelele fela jaaka a ntse.

 Senka mo Kgatisong

O ka senka lefoko kgotsa polelwana mo kgatisong e o e balang.

Fa o ntse o bala kgatiso, tobetsa konopo ya senka; o bo o kwala lefoko le o le batlang. Fa o simolola go kwala go tla tlhaga dikakantsho tsa se o se batlang. Tobetsa kakantsho nngwe kgotsa tobetsa konopo ya Enter go bona gore se o se senkileng se tlhagelela fa kae.

Fa o dirisitse mafoko a le mmalwa go senka sengwe, tobetsa lebokose la Match Exact Phrase go dira gore mafoko a o a senkileng a tlhagelele fela jaaka a ntse.

 Senka Setlhogo

Fa e le gore o tsentse buka ya Insight on the Scriptures mo sedirisiweng sa gago, o ka senka mo go yone. Tsela eno ya go senka e nna e le gone fa o bala Baebele kgotsa kgatiso nngwe mo JW Library.

Tobetsa konopo ya senka; o bo o kwala lefoko le o le batlang. Fa o simolola go kwala go tla tlhaga dikakantsho go tswa mo bukeng ya Insight on the Scriptures. Tobetsa setlhogo fa o batla go se bala.

Dintlha tseno di ne tsa gololwa ka October 2014 ka JW Library 1.3.4, e e kgonang go dirisiwa mo Android 2.3 kgotsa e e tlileng morago ga yone. Fa o sa bone dintlha tseno, tsweetswee latela ditaelo tse di mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library—Android,” mo setlhogwaneng sa Bona Tsa Bosheng.