Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Rulaganya Tsela e o Batlang go Bala Dikgatiso ka Yone mo iOS

Rulaganya Tsela e o Batlang go Bala Dikgatiso ka Yone mo iOS

JW Library e na le dikarolo di le mmalwa tse di go thusang go rulaganya tsela e o batlang go bala dikgatiso ka yone. Dikarolo tseno di tlhagelela kwa godimo ka fa mojeng wa sekirini fa o bala kgaolo kgotsa setlhogo se se rileng.

O ka nna wa tlhoka go tobetsa didoto tseno tse tharo gore o bone dikarolo tse dingwe tse di oketsegileng.

Latela ditaelo tseno fa o dirisa karolo eno:

 Fetola Puo

Fa o bala kgaolo kgotsa setlhogo sengwe, o kgona go fetola puo e o balang ka yone.

  • Tobetsa letshwao leno gore o bone dipuo tsotlhe tse kgatiso eno e ranoletsweng mo go tsone. Dipuo tse o di dirisang thata di tlhagelela kwa godimo. Tora ya Tebelo e e dirisang puo e e tlhofofaditsweng le yone e tlhagelela fano. Gape o ka thaepa puo e o e batlang.

  • Fa o bona leru gaufi le puo e e rileng, seo se raya gore ga o ise o tsenye puo eo mo sedirisiweng sa gago. Tobetsa puo eo gore o e tsenye mo sedirisiweng sa gago. Fa kgatiso e tsene, leru leo le tla nyelela. Tobetsa kgatiso eo gape fa o batla go e bala ka puo eo.

 Fetola Bogolo Jwa Mokwalo

O kgona go oketsa kgotsa go fokotsa bogolo jwa mokwalo.

Tobetsa didoto tse tharo o bo o tobetsa Text Settings gore o kgone go fokotsa kgotsa go oketsa bogolo jwa mokwalo. Karolo eno e gone mo dikgatisong tsotlhe tse di mo app ya JW Library.

 Dira Gore go Tlhage Mokwalo Fela Kgotsa Ditshwantsho

Dikgatiso dingwe di kgona go tlhaga ka mokwalo fela kgotsa ka ditshwantsho.

  • E Tlhage ka Ditshwantsho: Fa o tlhophile karolo eno, setshwantsho se tla tlhaga fela jaaka se ntse mo kgatisong e e printilweng. Go na le batho ba ba ratang go dirisa karolo eno mo dikgatisong tse di jaaka buka ya rona ya dipina ka gonne e tlhaga ka dinoto.

  • E Tlhage ka Mokwalo Fela: Mo karolong eno, ditemana tsa Baebele di beilwe ka tsela ya gore fa o di tobetsa di tlhage fa thoko.

 Bula Kgatiso mo Di-App Tse Dingwe

Fa o tobetsa didoto tse tharo o tla bona karolo e nngwe e e nang le mafoko a a reng Open in . . . Karolo eno e go letla gore o bule kgatiso eno mo di-app tse dingwe.

Tobetsa Open in . . . gore o bone di-app tse dingwe tse o kgonang go bula kgatiso ka tsone. Ka sekai, o kgona go bula Open in Online Library mme e tla bula setlhogo se o se balang mo Watchtower ONLINE LIBRARY.

 Rulaganya Dibaebele Tsa Gago

Fa o tobetsa temana ya Baebele mo kgatisong e o e balang, temana eo e tla tlhaga fa thoko. Kwa tlase go na le karolo e e reng Customize, e tobetse fa o batla gore temana eo e tlhage ka Dibaebele tse o di batlang.

Fa Dibaebele di tlhagile, tobetsa letshwao la ntlha gore Baebele eo e tlhage kwa godimo, tobetsa letshwao la bobedi fa o batla gore e ye kwa tlase.

Bona dintlha tsa “Go Tsenya Dibaebele Le go Di Rulaganya iOS” go ithuta gore o ka tsenya jang Dibaebele tse di oketsegileng mo JW Library.

Diphetogo tseno di ile tsa gololwa ka February 2015 mo JW Library 1.4, mme di bereka mo didirisiweng tsa iOS 6.0 kgotsa tse di tlileng morago ga yone. Fa di sa tlhagelele mo sedirisiweng sa gago, tsweetswee latela ditaelo tse di mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library mo Didirisiweng Tsa Apple (iOS)” mo karolong e e reng Get the Latest Features.