Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Boela Kwa Dilong Tse o Setseng o di Badile mo Windows

Boela Kwa Dilong Tse o Setseng o di Badile mo Windows

JW Library e na le rekoto ya ditlhogo le dikgaolo tsa Baebele tse o setseng o di badile. Seno se go thusa gore o kgone go boela kwa temaneng e o kileng wa e bala.

Latela ditaelo tseno fa o dirisa karolo eno:

 Boela Kwa Dilong Tse o Setseng o di Badile

Tobetsa History e e ka fa mojeng kwa godimo mo sekirining go bona lenaane la ditemana le ditlhogo tse o di badileng bosheng. Tobetsa temana kgotsa setlhogo se o batlang go se bala gape.

 Phimola Dilo Tse o Setseng o di Badile

Tobetsa mouse ka fa mojeng kgotsa swaepela kwa tlase gore o bone sekirini. Tobetsa History gore o kgone go bula lenaane la dilo tse o di badileng. Tobetsa Clear go di phimola.

Diphetogo tseno di ile tsa gololwa ka March 2014 mo JW Library 1.1, mme di bereka mo didirisiweng tsa Windows 8.0 kgotsa tse di tlileng morago ga yone. Fa di sa tlhagelele mo sedirisiweng sa gago, tsweetswee latela ditaelo tse di mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library mo Windows,” mo karolong e e reng Get the Latest Features.