Fetela kwa tshedimosetsong

DIPOTSO TSE BASHA BA DI BOTSANG

A go Ratana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang go Phoso?

A go Ratana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang go Phoso?

 “Fa ke tla ke gola, nngwe ya dikgwetlho tse boima tse ke ileng ka lebana le tsone, e ne e le go kgatlhegela batho ba bong jo bo tshwanang le jwa me. Ke ne ke akanya gore go tla feta, mme gone ke sa ntse ke na le maikutlo ao.”​—David, 23.

 David ke Mokeresete yo o batlang go itumedisa Modimo. A a ka kgona go dira jalo a ntse a kgatlhegela batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe? Modimo o ikutlwa jang ka batho ba ba ratanang le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone?

 Baebele e a reng?

 Tsela e batho ba lebang go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang ka yone e farologana go ya ka ditso kgotsa go ya ka gore ba tshela mo nakong efe. Mme gone, Bakeresete ga ba laolwe ke dikakanyo tsa batho kgotsa ‘ga ba akgaakgelwe kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya dithuto tse di seng boammaaruri.’ (Baefeso 4:​14) Go na le moo, tsela e ba lebang go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang ka yone (le boitsholo bope fela) e ikaegile ka melaometheo e e mo Baebeleng.

 Se Baebele e se buang ka go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang, se tlhamaletse. Lefoko la Modimo le a re:

  •  “Monna ga a tshwanela go tlhakanela dikobo le monna yo mongwe.”​—Lefitiko 18:22.

  •  “E re ka ba ne ba batla go diragatsa dikeletso tse di mo dipelong tsa bone, . . . Modimo o ne a ba tlogelela gore ba laolwe ke keletso ya tlhakanelodikobo e e tlhabisang ditlhong, ka gonne basadi ba bone ga ba tlhakanele dikobo le banna mme ba di tlhakanela le basadi.”​—Baroma 1:​24, 26.

  •  “Lo se ka lwa tsiediwa. Batho ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, ba ba obamelang medingwana, ba ba dirang boaka, banna ba ba letlang gore banna ba bangwe ba robalane le bone, banna ba ba robalanang le banna ba bangwe, magodu, batho ba ba pelotshetlha, matagwa, ba ba sotlang ba bangwe ka mafoko, le batho ba ba tseelang ba bangwe dilo ka dikgoka ga ba kitla ba rua Bogosi Jwa Modimo.”​—1 Bakorintha 6:​9, 10.

 Boammaaruri ke gore molao wa Modimo wa boitsholo o diretswe batho botlhe, go sa kgathalesege gore a ba na le dikeletso tsa go ratana le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone kgotsa ba bong jo bo sa tshwaneng le jwa bone. Ntlha ya botlhokwa ke gore mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le boikgapo fa go tliwa mo kgannyeng ya go batla go dira boitsholo jo bo sa itumediseng Modimo.​—Bakolosa 3:5.

 A seo se raya gore . . . ?

 A seo se raya gore Baebele e a re re tlhoe di gay?

 Nnyaa. Tota e bile, Baebele ga e re re tlhoe ope​—e ka tswa e le gay kgotsa e se yone. Go na le moo, e re bolelela gore ‘re lwele go nna le kagiso le batho botlhe,’ go sa kgathalesege gore ba tshela jang. (Bahebera 12:14) Ka jalo, go phoso go kgerisa, go tlhoa kgotsa go tshwara batho ba ba ratanang le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone ka tsela epe fela e e sa siamang.

 A seo se raya gore Bakeresete ba tshwanetse go nna kgatlhanong le melao e e letlelelang go nyalana ga batho ba bong jo bo tshwanang?

 Baebele e bontsha gore molao wa Modimo ka lenyalo ke gore monna a nyalane le mosadi. (Mathaio 19:​4-6) Le fa go ntse jalo, kgang e e amanang le melao e e tlhomilweng ke batho ya go nyalana ga batho ba bong jo bo tshwanang, ke kgang ya sepolotiki, e seng ya boitsholo. Baebele e bolelela Bakeresete gore ba se ka ba tsaya letlhakore mo dikgannyeng tsa dipolotiki. (Johane 18:36) Ka jalo, ga ba ka ke ba buelela kgotsa ba ganetsana le melao ya puso ya go nyalana kgotsa go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang.

 Mme go tweng fa . . . ?

 Mme go tweng fa motho a ratana le motho wa bong jo bo tshwanang le jwa gagwe? A motho yoo a ka fetoga?

 Ee. Tota e bile, bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ile ba dira jalo! Fa Baebele e sena go tlhalosa gore banna ba ba robalanang le banna ba bangwe ga kitla ba rua Bogosi Jwa Modimo, e a re: “bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo.”​—1 Bakorintha 6:​11.

 A seo se raya gore batho ba ba tlogetseng go dira boitsholo joo, ga ba tlhole ba na le keletso ya go bo dira gape? Nnyaa. Baebele e a re: “Lo apare botho jo bosha, jo Modimo a re thusang go nna le jone fa re ntse re ithuta ka ene.” (Bakolosa 3:​10) Go fetoga go tsaya nako.

 Mme go tweng fa motho yo o batlang go tshela ka melao ya Modimo a sa ntse a na le keletso eo?

 Fela jaaka keletso nngwe le nngwe, motho a ka tlhopha go e itlhokomolosa kgotsa go e diragatsa. Jang? Baebele e a re: “Nnang lo kaelwa ke moya mme ga lo kitla lo diragatsa dikeletso tse di sa siamang.”​—Bagalatia 5:​16.

 Ela tlhoko gore temana eno ga e re motho ga a kitla a nna le dikeletso tse di sa siamang. Mme gone, motho yoo a ka kgona go fenya dikeletso tseo fa a na le thulaganyo ya go ithuta Baebele le go rapela.

 David yo re buileng ka ene kwa tshimologong, o ile a bona boammaaruri jwa seo, segolobgolo fa a sena go bolelela batsadi ba gagwe ba Bakeresete ka kgwetlho e a lebaneng le yone. A re, “Ke ne ke ikutlwa ke imologiile tota, mme gongwe nka bo ke ile ka itumelela bosha jwa me le go feta fa nka bo ke ile ka ba bolelela kgang eno ka bonako.”

 Re a itumela fa re tshela go dumalana le melao ya ga Jehofa. Re tlhatswegile pelo gore “e siame, e itumedisa pelo,” le gore ‘go e boloka go na le maduo a magolo.’​—Pesalema 19:​8, 11.