Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Dirang Fa ke Na le Bothata Jwa Botsogo? (karolo 3)

Nka Dirang Fa ke Na le Bothata Jwa Botsogo? (karolo 3)

 Dingwaga tsa bolesome ke dingwaga tse mo go tsone motho a ikutlwang a le matlhagatlhaga e bile a na le maatla a go bonalang a se kitla a fela. Le fa go ntse jalo, go na le basha bangwe ba ba se nang maatla ao ka gonne ba na le bolwetse jo bo masisi. A o mongwe wa bone? Fa go le jalo, gongwe o tla kgothadiwa ke maitemogelo a ga V’loria, Justin le Nisa ba e leng Basupi ba ga Jehofa. Ela tlhoko kafa ba lebanang le mathata a bone a botsogo ka gone.

 V’loria

 Fa ke le dingwaga di le 14, ke ne ka tshwarwa ke bolwetse jwa fibromyalgia (bolwetse jo bo dirang gore motho a nne le ditlhabi tse di tseneletseng mo ditokololong). Fa ke le dingwaga di le 20 ke ne ka tshwarwa ke ramatiki, lupus, le bolwetse jwa Lyme. Ga go motlhofo go dira dilo tse o batlang go di dira fa o le bokoa ka dinako tsotlhe. Ka dinako dingwe, ke ne ka swa ditokololo go tswa mo lothekeng go fitlha kwa tlase mme ka tshwanelwa ke go dirisa setulo sa maotwana.

 Ke ne ke utlwa botlhoko thata fa ke sa kgone go dira ditiro fela tse di sa reng tse di jaaka go kwala kgotsa go khurumolola jeke. Fa ke bona bana ba bangwe ba tsamaya ke ne ke ipotsa gore goreng nna ke sa kgone go dira jalo. Ke ne ke ikutlwa ke paletswe.

 Ke itumelela go bo ba lelapa la gaetsho mmogo le Basupi ba ga Jehofa ba ke nang le bone mo phuthegong, ba ile ba nthusa. Maloko a phuthego ya rona ba ne ba tlhola ba nketela mme seo se ne se dira gore ke se ka ka jewa ke bodutu thata. Ba bangwe ba ne ba ntaletsa kwa dikokoanong tsa bone le fa go se motlhofo go fologa setulo sa maotwana, go tsena le go tswa mo koloing.

 Bagodi ba mo phuthegong ba ne ba nthusa thata ka gonne ba tlhaloganya boemo jo ke leng mo go jone. Ba ne ba nthusa go amogela maemo ano le go dira gore ke se ka ka ikutlwa molato ka gonne ke sa kgone go dira dilo dingwe. Ke itumela thata fa ke le kwa dipokanong tsa phuthego le fa ke rerela batho ba bangwe. (Bahebera 10:25) Fa ke dira dilo tseno, ke lemoga gore le fa ke lwala, ga ke farologane thata le batho ba bangwe.

 Ke nna ke gakologetswe gore Jehofa o re naya se re se tlhokang gore re itshoke. Ka sekai, Baebele ya re le fa motho yo re leng ene kafa ntle a onala, motho yo re leng ene mo teng “o ntšhafadiwa letsatsi le letsatsi.” (2 Bakorintha 4:16) Le nna ke ikutlwa fela jalo!

 Se o ka akanyang ka sone: Fa e le gore o na le bothata jo bo masisi jwa botsogo, goreng go le botlhokwa gore o thuse ba bangwe? Fa e le gore ga o na mathata a botsogo, o ka thusa jang ba ba lwalang?​—Diane 17:17.

 Justin

 Ke ne ka wela fa fatshe mme ka palelwa ke go tsoga. Sehuba sa me se ne se le botlhoko e bile ke sa kgone go tshikinyega. Ke ne ka isiwa kwa bookelong ka bonako. Kwa tshimologong, dingaka di ne di sa kgone go lemoga gore bothata jwa me ke eng. Mme fa go sena go direga makgetlo a le mmalwa, ba ne ba lemoga gore ke tshwerwe ke bolwetse jwa Lyme.

 Bolwetse jono bo ne jwa koafatsa ditshika tsa me. Tota e bile ke sa ntse ke roroma, ka dinako dingwe ke roroma thata le fa gone go fetile dingwaga di le mmalwa ke na jone. Ka dinako dingwe mmele le menwana ya me e nna botlhoko mo ke sa kgoneng go e tshikinya. Go nna jaaka e kete ditokololo tsa me tsotlhe di rusitse.

 Ke ne ke tle ke akanye gore, ‘Ke monnye gore nka lwala’ mme seo se ne se nkgalefisa. Ke ne ke lela letsatsi le letsatsi ke botsa Modimo ke re: “Goreng ke diragalelwa ke seno?” Ke ne ka simolola go akanya gore Modimo o ntatlhile. Mme ke ne ka akanya ka Jobe wa mo Baebeleng. Jobe o ne a sa tlhaloganye gore goreng a ne a lebana le diteko tse dintsi jaana, le fa go ntse jalo, o ne a nna a ikanyega mo Modimong. Fa Jobe a kgonne go itshoka le fa mathata a gagwe a ne a le mantsi, le nna nka kgona.

 Bagolwane ba phuthego ya rona ba nthusa thata. Ba nna ba ntlhola le go mpotsa gore ke tsoga jang. Mogolwane mongwe o ne a mpolelela gore ke mo founele nako nngwe le nngwe fa ke batla go bua. Ka metlha ke leboga Jehofa go bo ke na le ditsala tseno!​—Isaia 32:​1, 2.

 Ka dinako dingwe fa re lwala thata, re lebala gore Jehofa o itse se se re diragalelang. Baebele ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.” (Pesalema 55:22) Ke leka go dira jalo letsatsi le letsatsi.

 Se o ka akanyang ka sone: Batho ba bangwe ba ka go thusa jang go itshokela mathata a botsogo?—Diane 24:10; 1 Bathesalonika 5:11.

 Nisa

 Fa ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ka tshwarwa ke bolwetse jwa Marfan—bolwetse jono bo koafatsa ditokololo tsa mmele. Gape bolwetse jono bo ka koafatsa pelo, matlho le dikarolo tse dingwe tse di botlhokwa tsa mmele. Ga ke nne le ditlhabi letsatsi le letsatsi mme fa di nna gone, di nna botlhoko tota.

 Fa dingaka di ne di mpolelela gore ke tshwerwe ke bolwetse jono, ke ne ka lela thata. Ke ne ke tshwenngwa ke gore ga nkitla ke tlhola ke kgona go dira dilo tse ke di ratang. Ka sekai, ke rata go bina, mme fa ke akanya gore letsatsi lengwe nka nna ka palelwa ke go bina le gore nka nna ka palelwa ke go tsamaya, seo se ne sa ntshosa tota.

 Kgaitsadiake o ne a nkema nokeng thata. O ne a nthusa gore ke tlogele go nna ke ikutlwela botlhoko. O ne a mpolelela gore ke se ka ka nna ke tshogile ka gonne seo se tla dira gore ke swe ka bonako. Gape o ne a nkgothaletsa gore ke nne ke rapela ka gonne Jehofa ke ene fela a neng itse e bile a tlhaloganya boemo jo ke leng mo go jone.—1 Petere 5:7.

 Temana e e nkgothatsang thata ke Pesalema 18:6, e e reng: “Mo matshwenyegong a me ke ne ka nna ka bitsa Jehofa, ke ne ka nna ka goela kwa Modimong wa me ke kopa thuso. Mme o ne a utlwa lentswe la me go tswa mo tempeleng ya gagwe.” Temana eno e ne ya nthusa go bona gore fa ke rapela Jehofa ke mo kopa gore a nthuse go emelana le boemo jwa me, o tla nkutlwa a bo a nthusa. O teng ka metlha fa ke mo tlhoka.

 Ke ithutile gore ga go phoso go utlwa botlhoko le go galefisiwa ke masetlapelo a re lebanang le one ka gonne maikutlo a a ntseng jalo a tlwaelegile, fa fela re sa nnele go tlhola re akantse thata ka one le go a letla gore a senye kamano ya rona le Modimo. Ga se ene a re bakelang mathata e bile ga a na go re tlogela fa fela re dira gore a tle pele mo botshelong jwa rona.—Jakobe 4:8.

 Se o ka akanyang ka sone: A re tshwanetse go pega Modimo molato fa re boga?—Jakobe 1:13.