Fetela kwa tshedimosetsong

DIPOTSO TSE BASHA BA DI BOTSANG

Goreng ke Tshwanetse go Rapela?

Goreng ke Tshwanetse go Rapela?

 Go ya ka dipatlisiso tse di dirilweng, basha ba ba ka nnang diperesente di le 80 kwa Amerika ba a rapela, mme ke halofo ya bone fela ba ba rapelang letsatsi le letsatsi. Gongwe bangwe ba bone ba ipotsa gore: ‘A thapelo ke sengwe se se dirang gore motho a ikutlwe botoka fela kgotsa ke sengwe se se fetang seo?’

 Thapelo ke eng?

 Thapelo ke go buisana le Mmopi wa dilo tsotlhe. Akanya fela gore seo se kaya eng! Jehofa o kwa godimo ga batho ka ditsela tsotlhe fela, le fa go ntse jalo, ‘ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’ (Ditiro 17:27) Tota e bile, Baebele e na le taletso eno e e kgatlhang: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8

 O ka atamalana le Modimo jang?

  •   Tsela nngwe ke ka thapelo​—ke yone tsela e o buang le Modimo ka yone.

  •   Tsela e nngwe ke ka go ithuta Baebele​—Ke yone tsela e Modimo a “buang” le wena ka yone.

 Mokgwa ono wa puisano​—go rapela le go ithuta Baebele​—o tla go thusa gore o nne le botsala jo bo nonofileng le Modimo.

 “Go bua le Jehofa​—go tlotla le Mogodimodimo​—ke nngwe ya ditshiamelo tse dikgolo thata tse batho ba ka nnang le tsone.”​—Jeremy.

 “Go tshololela Jehofa maikutlo a me ka thapelo go dira gore ke ikutlwe ke atamalane thata le ene.”​—Miranda.

 A Modimo o reetsa dithapelo?

 Tota le fa o dumela mo Modimong​—e bile o nna o mo rapela​—go ka nna thata go amogela gore o a go reetsa fa o rapela. Mme gone, Baebele e bitsa Jehofa e re ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) Tota e bile e go kgothaletsa gore ‘o latlhele tlhobaelo yotlhe ya gago mo go ene.’ Ka ntlha yang? ‘Ka gonne o a go kgathalela.1 Petere 5:7.

 Se o ka akanyang ka sone: A o ipha nako ya go bua ka metlha le ditsala tsa gago tse o atamalaneng thata le tsone? O ka dira jalo le ka Modimo. Bua le ene ka metlha ka go mo rapela mme o dire jalo o dirisa leina la gagwe e bong Jehofa. (Pesalema 86:5-7; 88:9) Tota Baebele e go kgothaletsa gore o ‘rapele o sa kgaotse.’​—1 Bathesalonika 5:17.

 “Thapelo ke tsela e ke buisang ka yone le Rre wa me yo o kwa legodimong, ke nako e ke mo tshololelang maikutlo ka yone.”​—Moises.

 “Ke bua le Jehofa ka dilo tse di kwa teng, fela jaaka nka bua le mama kgotsa le tsala e ke atamalaneng thata le yone.”​—Karen.

 Nka rapelela eng?

 Baebele ya re: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.”​—Bafilipi 4:6.

 A seo se raya gore go siame go rapela ka mathata a o nang le one? Ee! Tota e bile, Baebele ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.”​—Pesalema 55:22.

 Mme gone, fa o rapela Modimo, ga o a tshwanela go bua ka mathata a gago fela. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Chantelle a re: “Tota ke tla bo ke se tsala e e siameng fa ke bua fela le Jehofa ke mo kopa thuso. Ke akanya gore ke tshwanetse go simolola pele ka go mo leboga, mme dilo tse ke di lebogelang e tshwanetse go nna tsone tse dintsi.”

 Se o ka akanyang ka sone: Ke dilo dife mo botshelong tse o di lebogelang? A o ka akanya ka dilo tse tharo tse o ka lebogang Jehofa ka tsone gompieno?

 “Tota le dilo tse dinnye tse di jaaka go bona lelomo le lentle, di ka go tlhotlheletsa gore o rapele Jehofa mme o mo leboge.”​—Anita.

 “Akanya ka sengwe se Modimo a se bopileng se se go kgatlhang thata kgotsa ka temana nngwe ya Baebele e o e ratang thata, mme o bo o leboga Jehofa ka ntlha ya sone.”​—Brian.