Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

A Tota go Rogana go Phoso?

A Tota go Rogana go Phoso?

“Ke setse ke tlwaetse go utlwa ditlhapa mo e leng gore ga di tlhole di nkgakgamatsa. Ke bona di itshiametse fela.”—Christopher, wa dingwaga tse 17.

“Fa ke le monnye ke ne ke rogana thata. Go ne go le motlhofo go tlwaela mokgwa oo mme go le thata go o tlogela.”—Rebecca, wa dingwaga tse 19.

 Dipotso

  •   O ikutlwa jang fa o utlwa batho ba bangwe ba rogana?

    •  Ga ke lemoge—go utlwala go siame fela.

    •  Go a ntshwenya—mme ke setse ke go tlwaetse.

    •  Ke a kgopisega—ga ke kgone go go tlwaela.

  •   O a tle o rogane ga kae?

    •  Ga nke ke rogana

    •  Ka sewelo

    •  Gantsi thata

  •   Go ya ka wena, go dirisa ditlhapa go masisi go le kana kang?

    •  Ga go masisi

    •  Go masisi

 Goreng go le botlhokwa?

 A o tsaya go rogana go le masisi? Gongwe o ka re, ‘nnyaa. Go na le dilo tse di botlhokwa tse nka tshwenyegang ka tsone. Tota e bile, ga go ope yo o sa roganeng!’ A mme go ntse jalo?

 Boammaaruri ke gore go na le batho ba le bantsi ba ba sa roganeng. Ba na le mabaka a a utlwalang a go bo ba sa rogane a ba bangwe ba sa a itseng. Ka sekai:

  •  Go rogana ga se kgang e e tshwanetseng go tsewa motlhofo. Mafoko a gago a senola se o leng sone. Ka jalo, go rogana go ka bontsha gore ga o akanyetse maikutlo a batho ba bangwe. A tota o motho yo o ntseng jalo?

     Baebele ya re: “Dilo tse di tswang mo molomong di tswa mo pelong.”—Mathaio 15:18.

    Ditlhapa ke puo e e leswe. Goreng o di dirisa fa o bua?

  •  Go rogana go ka dira gore batho ba akanye dilo tse di bosula ka wena. Buka ya Cuss Control ya re: “Tsela e re buang ka yone e ka bontsha gore ditsala tsa rona e tla nna bomang, ba malapa le badiri ka rona ba tla re tlotla go le kana kang, gore kamano ya rona le ba bangwe e tla nna jang, re tla tlhotlheletsa ba bangwe jang, a re tla thapiwa kgotsa a re tla newa maikarabelo a a oketsegileng kwa tirong le gore batho ba re sa ba itseng ba tla re tshwara jang.” Gape buka eo ya re: “Ipotse gore a batho ba bangwe ba ne ba tla dirisana le wena sentle fa o ne o sa rogane.”

     Baebele ya re: “A . . . puo ya go kgoba [e] tlosiwe mo go lona.”Baefeso 4:31.

  •  Go rogana ga go natetshe puo. Mo bukeng ya gagwe ya How Rude!, Dr. Alex Packer a re: “Go reetsa batho ba ba ratang go rogana go a lapisa.” Gape a re fa motho a tlwaetse go dirisa ditlhapa “ga a kgone go dirisa temogo, botlhale kgotsa go utlwela ba bangwe botlhoko. Fa o bua o sa akanye e bile o sa tlhaloganyege, seo se feleletsa se ama tsela e tlhaloganyo ya gago e berekang ka yone.”

     Baebele ya re: “A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona.”—Baefeso 4:29.

 Se o ka se dirang

  •  Ipeele mokgele. Ke eng o sa leke go tlogela ditlhapa mo lobakeng lwa kgwedi kgotsa kwa tlase? O ka nna wa dirisa khalendara kgotsa tšhate go bona gore o ntse o gatela pele go le kana kang. O tla tshwanelwa ke go tsaya dikgato dingwe fa e le gore o batla go ngangatlela tshwetso e o e dirileng. Ka sekai:

  •  Tila boitlosobodutu jo bo tletseng puo e e leswe. Baebele ya re: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33.) Fa Baebele e re “go itlwaelanya” ga e bue fela ka batho mme gape e akaretsa dilo tse o itlosang bodutu ka tsone tse di jaaka difilimi, metshameko ya dibidio le mmino. Kenneth wa dingwaga tse 17 a re: “Go motlhofo go opela pina e o e ratang o bo o itlhokomolosa gore e na le ditlhapa e le fela ka gonne moribo wa yone o le monate.”

  •  Bontsha gore o godile sentle. Batho bangwe ba tsaya gore go rogana go bontsha gore ba godile. Mme ga go a nna jalo. Baebele ya re batho ba ba godileng sentle ba na le bokgoni jwa go lemoga jo bo thapisitsweng gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang. (Bahebera 5:14) Ga ba dire dilo go kgatlha batho ba bangwe.

 Tota puo e e leswe e kgotlela mogopolo ka dikakanyo tse di sa siamang. Lefatshe le setse le tletse ka dikakanyo tse di ntseng jalo! Buka ya Cuss Control ya re: “Se oketse leswe leo. Tila go dirisa puo e leswe. Fa o dira jalo, o tla nna motlotlo e bile batho le bone ba tla nna motlotlo ka wena.”