Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Fetsa Jang Tiro Ya me Ya Sekolo?

Nka Fetsa Jang Tiro Ya me Ya Sekolo?

 “Go a lapisa go tsoga ka bo 1:00 a.m o dira tiro ya sekolo. O akantse fela ka go robala.”—David.

 “Ka dinako tse dingwe ke ne ke tshwanelwa ke go dira tiro ya sekolo go fitlha ka bo 4:30 a.m phakela, mme ke bo ke tshwanelwa ke gore ke tsoge ka 6:00 a.m. Se ke neng ke se dira se ne se sa utlwale!”—Theresa.

 A o na le tiro ya sekolo e ntsi? Fa e le gore go ntse jalo, setlhogo seno se ka go thusa.

 Goreng barutabana ba go naya tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo?

 tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo . . .

  •   e go thusa go nna le kitso e e oketsegileng

  •   e go ruta go nna le maikarabelo

  •   e go ruta gore o rulaganye le go dirisa nako ya gago sentle

  •   e go thusa go tlhaloganya dilo tse o di rutilweng kwa sekolong a

 “Barutabana ba naya barutwana tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo e le gore ba kgone go tlhaloganya se ba se ithutang, le gore ba se ka ba lebala se ba se ithutileng.”—Marie.

 Maths le science di go thusa go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go rarabolola mathata. Baitse ba re seno se ka thusa boboko jwa gago gore bo kgone go tlhaloganya dilo sentle. Fa o dira tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo go tshwana le fa o katisa tlhaloganyo ya gago!

 Go sa kgathelesege gore a o bona melemo ya go dira tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo kgotsa ga o e bone, o tshwanetse go e dira. Le fa gone o ka se kgone go fokotsa palo ya tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo e o e newang, se se itumedisang ke gore o ka kgona go fokotsa nako e o e fetsang o e dira. A re bone gore o ka dira seo jang.

 Se o ka se dirang

 Fa e le gore o na le bothata jwa go dira tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo, o ka thusiwa ke go rulaganya gore o tla e dira jang. Leka go dira dilo tse di latelang.

  •   Santlha: Nna le thulaganyo. Baebele ya re: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.” (Diane 21:5) Pele o simolola go dira tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo, dira gore o nne le sengwe le sengwe se o tla se tlhokang, gore o se ka wa ema gantsintsi.

     Gape, tlhopha lefelo le o ka se kang wa iteega tsebe mo go lone. Bangwe ba lemogile gore go direla tiro ya gago ya sekolo mo kamoreng e e didimetseng le e e nang le lesedi le le lekaneng go a thusa. Bangwe ba bone go le botoka gore ba e direle kwa laeboraring go na le go e direla kwa gae.

     “Fa o na le buka e o rulaganyetsang tiro ya gago ya sekolo mo go yone, seo se ka go thusa gore o kgone go rulaganya nako ya gago sentle. Fa o itse tiro yotlhe ya gago ya sekolo e o tlhokang go e dira le gore e batliwa leng, seo se tla go thusa gore o se ka wa nna le seterese le gore o e fetse ka nako.”—Richard.

  •   Sa bobedi: Rulaganya gore o tla dira tiro efe pele. Baebele ya re: “A dilo tsotlhe di diragale ka . . . ka thulaganyo.” (1 Bakorintha 14:40) Ka jalo, rulaganya gore o tla dira tiro efe pele.

     Bangwe ba rata go simolola ka tiro e e thata pele. Mme ba bangwe bone ba rata go simolola ka e e motlhofo, e le gore ba tle ba rotloetsege go simolola e nngwe. Dirisa mokgwa o o go berekelang.

     “Go kwala dilo tse o tlhokang o di dira, go tla go thusa go itse gore o tlhoka go simolola ka eng pele. Fa o dira jalo, tiro ya gago ya sekolo ga e kitla e go kgoba marapo kgotsa e go lapisa.”—Heidi.

  •   Sa boraro: Dira se o rulagantseng go se dira. Baebele ya re: “Lo se ka lwa nna botshwakga.” (Baroma 12:11 Baebele e e Boitshepo) O se ka wa letla dilo dingwe tse o tshwanetseng go di dira di go itaya tsebe ka nako ya go dira tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo.

     Batho ba ba sa direng tiro ya bone ka nako, gantsi ba itlhaganelela go e fetsa, ba bo ba sa dire tiro e ntle. Fa o dira tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo ka bonako fela fa o se na go e newa, seno se tla dira gore o se ka wa nna le seterese se se sa tlhokegeng.

     “Go dira tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo ka bonako fa ke tswa sekolong, go ne go nthusa gore ke se ka ka tshwenyega ka gore ke tla e dira leng. Mme gape go ne go nthusa gore ke nne le nako ya go dira ditiro tse dingwe.”—Serina.

     KAKANTSHO: Dira tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo ka nako e e tshwanang letsatsi le letsatsi. Go dira jalo go tla go thusa go tlwaela go dira tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo letsatsi le letsatsi.

  •   Sa bonè: Tlhoma mogopolo. Baebele ya re: “Matlho a gago a a phatsimang a lebe kwa pele fa pele ga gago.” (Diane 4:25) Gore o kgone go dira seno, ga o a tshwanela go letla sepe gore se go iteye tsebe, segolobogolo didirisiwa tsa ileketeroniki.

     Go tsena mo Internet le go kwalela batho melaetsa, go ka dira gore o tseye lobaka go fetsa tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo. Fa o tlhoma mogopolo mo go direng tiro ya gago ya sekolo, ga e na go go tsenya seterese mme o tla nna le nako ya go dira dilo tse o batlang go di dira.

     “Founo, TV, khomputara le metshameko ya dibidio, di ka dira gore go nne thata go tlhoma mogopolo. Ke thusiwa ke go tima founo ya me le go tima sengwe le sengwe fela se se ka nkgoreletsang.”—Joel.

  •   Sa botlhano: Nna tekatekano. Baebele ya re: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafilipi 4:5) Go tla o ikhutsa fa o dira tiro ya gago ya sekolo, go tla dira gore e se ka ya go tsenya seterese. Tsamaya tsamaya fa ntle, palama baesekele ya gago o ye golo gongwe, kgotsa o taboge.

     Fa o utlwa e kete tiro ya gago e e direlwang kwa gae e thiba letsatsi, bua le barutabana ba gago. Fa ba bona gore o dira maiteko ba ka nna ba fokotsa tiro e ba go nayang yone.

     “O se ka wa letla tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo e dira gore o se ka wa itumela kgotsa e go tsenya seterese. Dira sotlhe se o ka se kgonang. Dilo dingwe ga di a tshwanela go go itsa go itumela mme tiro e e direlwang kwa gae ya sekolo ke nngwe ya tsone.”—Julia.

 Ipotse jaana:

  •   Ke dilo dife tse ke tla di tlhokang gore ke dire tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae?

  •   Ke nako efe e e ntshiametseng ya go dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae?

  •   Ke lefelo lefe le nka kgonang go tlhoma mogopolo mo go lone?

  •   Nka tila jang go beela dilo nako e e tlang?

  •   Ke dilo dife tse di ka nkgoreletsang gore ke se ka ka fetsa tiro ya me ka nako?

  •   Nka tila jang dilo tse di ka nkgoreletsang—gongwe di dirisiwa tsa ileketeroniki?

  •   Nka nna tekatekano jang fa ke dira di tiro ya me ya sekolo?

 NTLHA YA BOTLHOKWA: Netefatsa gore o tlhaloganya tiro ya gago e e direlwang kwa gae ya sekolo sentle. Fa o na le dipotso, botsa morutabana pele ga o ya gae.

a Dintlha tseno di tswa mo bukeng ya School Power, e e kwadilweng ke Jeanne Schumm.